1 Timothy 2

Tsela ya go direla

1Mme dikgakololo tsa me ke tse: Rapele lang ba bangwe thata; ba kopeleng kutlwelo botlhoko ya Modimo; lebogelang tsotlhe tse o tlaa di ba direlang.

2Ka yone tsela e, rapelelang dikgosi le botlhe ba ba nang le taolo mo go rona kgotsa ba maemo a a kwa godimo, gore re tle re tshele ka kagiso le kutlwano, re dirisa nako ya rona mo botshelong jwa Semodimo mme re akanya go le gontsi ka Morena. 3Se, se molemo ebile se itumedisa Modimo Mmoloki wa rona, 4gonne o eleletsa botlhe go bolokwa le go tlhaloganya boammaaruri jo: 5gore Modimo o mo ntlheng e nngwe le batho botlhe ba ka fa ntlheng e nngwe, mme Jesu Keresete, yo e leng motho ka sebele, o mo gare ga bone go ba kopanya, 6ka go naya batho botlhe botshelo jwa gagwe. Se ke molaetsa o Modimo o o neetseng lefatshe ka nako e e tshwanetseng.

7Mme ke tlhophilwe jaaka moruti le morongwa wa Modimo, se ke boammaaruri, gore ke rute Badichaba boammaaruri jo, le go ba supegetsa leano la poloko la Modimo ka tumelo.

8Jalo ke batla banna gongwe le gongwe go rapela ka mabogo a a itshekileng a tsholeleditswe kwa Modimong, ba golotswe mo sebeng le mo bogaleng le mo kgannyeng. 9
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Timotheo I 2:10.
10
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Timotheo I 2:9-10.
Mme le basadi fela jalo, ba didimetse, ba le botlhale ka go itshwara sentle le ka go apara. Bakeresete ba basadi ba tshwanetse go bonwa ka tshiamo le molemo, e seng ka mokgwa o ba iphorang moriri ka one kgotsa ka ntlha ya dibaga tsa bone kgotsa diaparo tse di tlhwatlhwa kgolo.

11Basadi ba tshwanetse go reetsa mme ba ithuta ka tidimalo le ka boikokobetso.

12Ga ke ise ke ko ke letle basadi go ruta banna kgotsa go ba laola. A ba didimale mo dikopanong tsa diphuthego tsa lona. 13Ka ntlha ya eng? Ka ntlha ya gore Modimo o dirile Adamo pele, mme morago wa dira Efa. 14Mme ga se Adamo yo o neng a tsiediwa ke Satane, fa e se Efa, mme phelelo ya nna boleo. 15Jalo Modimo wa romela kutlobotlhoko le pogiso mo basading fa bana ba bone ba tsholwa, mme o tlaa boloka mewa ya bone fa ba mo ikanya, ba tshela ba didimetse, ba siame, ba na le matshelo a a itumedisang.
Copyright information for TsnLEF